Revelation of John 2

Go mogolwane wa phuthego ya Efeso

1“Kwalela moeteledipele wa phuthego e e kwa Efeso lokwalo o mmolelele se: ke kwala ke go itsise molaetsa o o tswang mo go yo o tsamayang mo gare ga diphuthego a tsholetsa baeteledipele ba tsone ka seatla sa gagwe se segolo. O go raya a re: 2ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng. 3O mpogetse ka bopelotelele o sa lape.

4“Le fa go ntse jalo go na le sengwe se se sa siamang; ga o nthate jaaka lwa ntlha! 5A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego.

6“Mme go na le selo sengwe ka ga gago se se molemo: o ila ditiro tse di makgapha tsa Banikolaitane, fela jaaka ke di ila.

7“A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo.

Go mogolwane wa phuthego ya Semurena

8“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Semerena lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa mo go ene yo e leng Tshimologo le Bokhutlo, yo o neng a sule mme a rula.

9“Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane. 10Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng. 11A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.

12“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e kwa Perefamose lokwalo lo o re: molaetsa o tswa kwa go Ene yo o tshotseng chaka e e lootsegileng ntlha tsoopedi. 13Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane.

14“Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa. 15Ee, o na le bangwe ba balatedi ba ga Balame!

16“Fetola mogopolo wa gago le maikutlo, e seng jalo ke tlaa tla kwa go wena ka tshoganetso ke ba tlhabantsha ka chaka ya molomo wa me.

17“A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang.

Go mogolwane wa phuthego ya Thiatira

18“Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e kwa Thiatira Lokwalo lo o re: o ke molaetsa o o tswang kwa go Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka dikgabo tsa molelo, yo dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e phatshimang. 19Ke itse ditiro tsotlhe tsa gago tse di molemo, tshiamo ya gago mo bahumaneging, dimpho tsa gago le go ba direla, gape ke itse lorato lwa gago le tumelo le bopelotelele, e bile ke bona boiteko jwa gago jo bo tsweletseng pele mo dilong tsotlhe tse.

20“Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. 21Ke mo neetse lobaka go fetola mogopolo wa gagwe le maikhutlo, mme o ganne. 22Mme ela-tlhoko se ke se go bolelelang: ke tlaa mo robatsa mo bolaong, ka bolwetse jwa tlhokofatso e kgolo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba itshekologileng, fa ba sa boele gape mo go nna, ba ikwatlhaela dibe tsa bone le ene; 23mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng.

24
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Tshenolo 2:25.
25
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Tshenolo 2:24-25.
“Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla.

26“Go mongwe le mongwe yo o fenyang, yo kwa bofelong a ntseng a tsweletse go dira dilo tse di intumedisang, ke tlaa mo naya nonofo mo merafeng. 27O tlaa e busa ka thobane ya tshipi fela jaaka Rre a nneile taolo ya go ba busa; ba tlaa thubaganngwa jaaka pitsana ya letsopa e thubegile go nna dikapetlana. 28Mme ke tlaa lo naya Naledi ya Moso!

29“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.
Copyright information for TsnLEF